user preferences

New Events

Southern Africa

no event posted in the last week

ANC e Latlhile Seaparwelwa Khemo Sa Sone! Ba Bolaile Babereki!

category southern africa | repression / prisoners | press release author Friday May 03, 2013 15:53author by TAAC, iWAC, ZACFauthor email zacf at riseup dot net Report this post to the editors

Bathapi le boradipolitiki ba molato! Ba tshwanetse go emisa mapodisi go dira dilo tse di sa siamang.

Molaotheo o tshepisitse ditokelo tsa dipolotiki le tekatekano. Go a bonagala gore boradipolotiki le bathapi ba dira ka mo ba ratang ka teng. Ba tshameka ka batho. Seo se bonagetse ka nako eo mapodisi a bolaileng badiri bao ba neng ba dirile ditshupetso kwa moepong wa Lonmin Marikana.
malema_tswana.png

ANC E LATLHILE SEAPARWELWA KHEMO SA SONE! BA BOLAILE BABEREKI!


Bathapi le boradipolitiki ba molato! Ba tshwanetse go emisa mapodisi go dira dilo tse di sa siamang.
Ga gona molao, ga gona Kigali. Ga go na Zuma, ga go na Malema, ga go na LONMIN!

>
Molaotheo o tshepisitse ditokelo tsa dipolotiki le tekatekano. Go a bonagala gore boradipolotiki le bathapi ba dira ka mo ba ratang ka teng. Ba tshameka ka batho. Seo se bonagetse ka nako eo mapodisi a bolaileng badiri bao ba neng ba dirile ditshupetso kwa moepong wa Lonmin Marikana.

DITOKELO TSA GA MANG?

Batho re tshwanetse go bona bonnete: mokgatlo wa ANC le bathapi ba laola: Thulaganyo ena, e thusa batho ba ba humileng le ba bonatla go nna bonatla thata : batho ba ba berekang le ba bahumanege ba boga. Garena tshireletso, o a bereka mme ga o tshele sentle , ditlhwatlhwa tsa dijo di ya godimo.Motlakase wa ga Eskom o a tura! Re tshwaneste go duela? Ka eng? Mme ga re kena ntwa e kgolo, re a thuntsiwa.

ANC/MMUSO+BATHAPI/DIGOLAGANYE

Mmuso o dirisa mapodisi go betsa batho ba gwanta bantsha ditletlebo tsa bona. Ke ditokela tsa rona re tshela motshotlegong jaanong relwa kgathanong le mmuso le borakgwebo (Lonmin).

Re a didimantswa ka marumo. Ntlha re sa dumalane kontle ga pelaelo le ditiro tsa babereki ko Marikana, re nna fela re eme nokeng batlhoki le babereki ba ba kobo dikhutswane kgatlhanong le mmuso.

ANCYL = ANC = POLAO YA MARIKANA

ANC ba re batla fetola dilo tse di diragalang. Ka gore go ne go na le dingongorego ka di puso tsa National Party (NP). NP e ne e bolaile babereki. Jannong, ANC le bone ba bolaile ba bereki. ANCYL ba ne ba sa tshwanela go sekisa mapodisi go bolaya batho (bona statement 17August 2012).

Malema le babereki ba ba lelekweling ko ANCYL ba batla go dirisa dintlha tse, go boela ko ANC-go huma le go bua maka. Mme, diatla tsa ANC di na le madi.

Gompieno le ga nako e setse e fetile, babereki ba ANCYL ba batla tjhelete mme ga ba batle batho ba ne le kgololosego.

BOJANOSI? GARE BO BATLE

“Capitalism” ke mokgwa o gatellang le go dirisa botlhaswa mo bathong ba bantsho, “Coloureds” le “Indians” ba ba dirang, ba gatelelwa ka lefa la mmuso wa kgatelelo (apartheid) ke mapodisa le bathapi malatsi otlhe. (Makgowa ba ba dirang le bona ba gatelelwa).

PUSO YA BABEREKI E SENG YA MMUSO

ANCYL e dirisa dipolao tsa kwa Marikana go ANC e dire puso e mo tlase ga mmuso. Mme Marikana e bontsha bonnete ba mmuso, ga gore sepe gore ke lekoko lefe: mapodisa a bloya go thusa batho ba ba humileng.

Taola ya babereki ga e reye gore go buse bathapi le bo rapolitiki e raya gore go buse batho.

MAPODISE GA BA KA KE BA FETOGA

Tiro ya mapodisi ke go gatelela le go didimalatsa babereki le bahumanege. Bothata bo ka se lokisiwe ke (dikomisinare) jaaka batho ba akanya. Botsa losika la ga Andries Tatane. Ditlhopo di kase fetole sepe. Gopola: Sharpeville 1960, Soweto 1976, Uitenhage 1985, Michael Makabane ka 2000, babereki ba SAMWU ka2009, Andries Tatane ka 2011… Marikana ka mgwaga wa 2012. Batho ba le masomepedi tlhano ba bolailwe ka ngwana wa 2000 pele ga Marikana.

MATLA A BATHO ESENG DITLHOPO LE MEKGATLO YA DIPOLOTIKI

Lebelela kwa Marikana. Ditlhopo ga di fetole sepe. Go tsena mmuso le dipolitiki ga se go fetola dilo. Go tlhopa motho o mongwe mo boemong ba ga Jacob Zuma gase phetogo. Go tlhopa mokgatlo o montŝha wa dipolitiki - le wa “molema” le wa “babereki” ga go thuse.

LEKGOTLA LA BABEREKI: TSOGANG

Makgotla a Marikana le NUM le AMCU di wetse mo lerabeng la borapolitiki le bathapi. Ba ne ba lwana mme ba ne ba tshwanetse go lwa le sera. Kopano ke matla: ga go a tshwanela go kgaogana re laolwa. Babereki ba mo lefatsheng kopanang!Dinaga le merafe kopanang!

Emisa kgolagano! COSATU ga e tshwanetse go dira le ANC.

ANARCHISM = GO IPUSA GA BATHO = COUNTERPOWER

Ke nako ya gore re fetole tsamaiso ya bathapi/mmuso ka puso ya batho. Se, seraya gore re batla babereki/baagi ba buse gotswa kwa tlase go ya kwa godimo. Re batla tokologo ya ba bereki ba ba ipusang le baagi. Ga re se batla puso e e re thunsta jaaka dintja re batla go ipusa.

THARABOLLO: KGOLOLOSEGO YA BATHO!
RE YA LETLHOKA: SE VONTENG KOPANANG A RE TSHWARAGANENG!

Fa o dumelana le dikakanyo kgotsa o batla go itse ka anarchism: nomoro ya mogala ke: 072 399 0912 kgotsa zacf@riseup.net Ethagiswa ke: Tokologo Anarchist Collective, Zabalaza Anarchist Communist Front le Inkululeko Wits Anarchist Collective.

Related Link: http://zabalaza.net
author by o2 mediapublication date Tue May 28, 2013 15:37author address author phone Report this post to the editors

I think this post is very interesting and nice to read. Through these articles readers have the reason to visit this site from time to time and get some relevant information.

author by Larry Starr Sarasotapublication date Sun Sep 22, 2013 22:45author address author phone Report this post to the editors

Great article friend good and fun to read thanks. Cheers. - Larry Starr Sarasota

author by Larry Starr Sarasotapublication date Sun Sep 22, 2013 22:45author address author phone Report this post to the editors

Great article friend good and fun to read thanks. Cheers. - Larry Starr Sarasota

 

This page has not been translated into Català yet.

This page can be viewed in
English Italiano Deutsch
© 2005-2024 Anarkismo.net. Unless otherwise stated by the author, all content is free for non-commercial reuse, reprint, and rebroadcast, on the net and elsewhere. Opinions are those of the contributors and are not necessarily endorsed by Anarkismo.net. [ Disclaimer | Privacy ]